Mma go nna mo gae mo Mahalapye go dirile gore ke kgone go bona gore batsadi ba palelwa ke go amogela bana ba bone ba di gay le di lesbian. Gone moo hela go dira gore bana ba itobe mo go bone fa ba bangwe ba palelwa ke go tla magaeng. Maikaelelo a mokgatho ke go bua gape ka go ba thusa tsela ya gore ba ka tshela jang mmogo e le ba lelwapa.